Moswi Ntekane Maria Diale o tsetswe ka 25 Sedimonthole 1941 kwa Kghowe. Ke ngwana wa botlhano (5) wa moswi Mashingwaneng le moswi France Rathabe Sehalahala. Moswi o kolobeditswe a ba tlhomamisiwa kwa kerekeng ya Lutere.
Moswi Maria Ntekane Diale o simolotse dithuto tsa gagwe kwa Mmakgabetlwane a fetela kwa Fafung mme a feleletsa kwa Hamanskraal. O simolotse go dira kwa Lodiam Pretoria, a ya go dira kwa Gauteng morago ga sebakanyana.
O ile a tsena mo nyalong e e boitshepo le Moswi Meshack Ntidi Diale mme ba tshegofadiwa ka bana ba le supa (7), mme o eteletswe pele ke bana ba le bararo.
O tlogela bana ba le bane (4), ditlogolo di le lesometlhano (15) le dikokomane di le robedi (8). O tlogela lefatshe le le ka kwano morago ga bolwetse jo bo khutshwane ka di 01 Lwetse 2025. O tlogela lefatshe le le ka kwano a na le di jara di le 83.
….ROBALA KA KAGISO MOKGATLA…. KGABOO..!!!