Esther Gaaratwe Nthebe o tshotswe ka di 9 Lwetse 1979. Ke Ngwana wa Bobedi waga David le Maud Moeketsi. O simolotse dithuto tsa gagwe kwa Mathopestad Primary School, a fetela kwa Lesela Secondary School ko a iponetseng marematlou a gagwe teng.O ile a tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa Krugersdorp Collage. O dirile kwa CaBrand, Stefanutti stocks le kwa U-Rent.O ile a tsena mo nyalong e e boitshepo ka ngwaga wa 2017 a tshegofadiwa ka ngwana a le nosi.
O tlogela lefatshe le le ka kwano morago ga bolwetse jo bo khutshwane ka di 09 Ferikgong 2026.O tlogela Batsadi,Molekane, Ngwana ale nosi, bo kgaitsadie ba le babedi le Monnawe a le mongwe le tshika ka kakaretso.
A mowa wa gagwe o robale ka Kagiso