Moswi Abea Thibo Rangaka ke ngwana wa botlhano mo baneng ba le barataro, eleng basimane ba le bararo le basetsana ba bararo, ba ga Rre Tau Jan le Mme Plantina Kegaisitse Rangaka.
Moswi o belegwe ka di 16 Seetebosigo 1937 Kwa Lefurutshane (koffiekraal) Goo-Mokgatlha. O dirile dithuto tsa gagwe kwa Phokeng le Kanana. A dira kwa Joffie le Kwa Wolnit kwa Roodepoort.
Moswi o ile a tshegofadiwa ka ngwana a le mongwe eleng Cecil Rangaka, yo a setseng a mo eteletse kwa pele.
Moswi o lwetse sebaka se se leele mo bogoding ba gagwe, Mme o ile a tlogela lefatshe le le ka kwano ka di 27 Phukwi 2025. O tlogela bana ba ngwana ba le babedi.
ROBALA KA KAGISO TLOU